Kgosi Mmipi o a latlhela

Zimbabwe News Update

🇿🇼 Published: 07 June 2026
📘 Source: Daily News Botswana

Kgosi Raphael Mmipi wa Metsimotlhabe o sa tswa go tlogela tiro ka bogodi a le dingwaga di le masome a robabobedi. Kgosi Mmipi o sale a etelela morafe wa Balete le baagedi ba Metsimotlhabe go simolola ka ngwaga wa 1988 go fitlha monongwaga. Mmipi o kailwe ke dibui ka go farologana ka poifo Modimo, boineelo, bokgeleke jwa go rarabolola dikgang a sa tsee letlhakore le go nna kutlwelobotlhoko.

Fa a laela Kgosi Mmipi, ka Labotlhano, kgosi wa Bakwena Kgari Sehcele III a re o ne a direla morafe tekatekanyo a sa lebelela gore motho ke wa maemo afe mo setshabeng. “Maemo a bogosi a ne a mo fitlhela a ntse a le mo tirong. Ga a ise a kope ope gore a mo tlhatlose maemo ka gore o dira tiro.

O ne a dira tiro ya bogosi ka boineelo a itse gore ke tiro ya boithapo le gore o direla morafe wa,” ga bua Kgosi Kgari. A re go bo morafe o bone gole maleba gore ba thulanye ditlhogo ba mo direle moletlogadi wa tsamaya sentle ke bopaki jwa gore o berekile le bone go sena makgwere ape. Kgosi Kgari a re le fa ntswa a fitlhetse Kgosi Mmipi mo bogosing o berekile le ene ka lebaka mme ga gona letsatsi lepe le a kileng a seke a bereka sentle le ene.

📖 Continue Reading
This is a preview of the full article. To read the complete story, click the button below.

Read Full Article on Daily News Botswana

AllZimNews aggregates content from various trusted sources to keep you informed.

[paywall]

A re Kgosi Mmipi o tsene mo tirong ya bogosi a santse a nonofile mme a dirisa nonofo eo le botlhale go direla morafe, ke jaaka a tlogela tiro eo ka mabaka a gore o godile, o feletswe ke maatla. “Ke itumelela tirisanyo mmogo kgosi, mme ke eletsa thata gore le mo go itapoloseng ga gago, Modimo a nne a go segofatse, a go okeletse malatsi, e re fa mabaka a patika re tle fa go wena, re ngunangune le wena o nne o re gakolole o re tlhatlhelele,” ga bua Kgosi Kgari. E rile a itebaganya le Kgosi Kgosi Ronald Mmipi, yo neng a tlhongwa kgosi, Kgosi Kgari o ne mo gakolola gore a ikanye motsadi wa gagwe, go tsaya bogakolodi, fa marara a raraane.

Mo mafokong a gagwe a go laela morafe, Kgosi Mmipi o kaile fa tiro ya bogosi ele ya mautlwelobotlhoko ka jalo fa motho a e bereka o tshwanetse gore a e bereke a eteleditse mautlwelobotlhoko kwa pele. Are o kgonne ka go ikanya thapelo, ka jalo a rotloetsa motlhatlhami wa gagwe, marara ka go farologana go dira ba ikantse Modimo ka dinako tsotlhe.

[/paywall]

📰 Article Attribution
Originally published by Daily News Botswana • June 07, 2026

Powered by
AllZimNews

All Zim News – Bringing you the latest news and updates.

By Hope