Hunyepa O Tlhodumela Seemo Sa

Zimbabwe News Update

🇿🇼 Published: 07 June 2026
📘 Source: Daily News Botswana

Sekole se segolwane sa Kgari Sechele II kwa Molepolole se ne se tshwere maitiso a ngwao go kokoanyeditse kabo dietsele madi.. Maitiso ao, a a neng a ipelelwa ka setlhogo sa : Ngwao Boswa, a nna ngwaga le ngwaga ka ele sedibana pele se ba se ikanyang go itirela letseno go dira ditiro tse dingwe tsa sekole, di akaretsa le moletlo wa kabo dietsele. Mongwe wa barulaganyi ba maitiso a, Mme Kelebogile Tawana, yo gape e leng morutabana wa puo ya sekgoa le ditlhamo, a re mogopolo o o gwetlhilwe ke gore sekole se kokoanyetse moletlo wa go abela baithuti dietsele ga mmogo le barutabana ba ba dirileng bontle ba bo ba baya sekole mo maemong a mantle mo ditlhatlhobong tsa ngwaga yo o hulereng.

Mme Tawana a re moono mogolo wa go dira maitiso a mofuta o gape ke tsela nngwe e ka yone sekole se supang fa se ikemiseditse go rotloetsa le go ipelela ka ngwao le puo ya Setswana segolo jang ba itebagantse le gore e akolwe ke baithuti gore ngwao e seka ya ba latlhegele. A re se, ke tsela ya go ipelela ngwao ya Setswana; ka mmino wa setso; borankana, phathise, tsutsube, dikhwaere le tse dingwe, go utlwa monate le tatso ya dijo tsa setso, go supa kapari ya ngwao, le go fa batho sebaka sa go itsane ba tsere dikgang ka puo ya Setswana, le go oketsa monate ka go supa metshameko ya setso. Mme Tawana a re ba lephata la dithuto tsa puo ya Setswana ke bone ba ba neng ba rwele boikarabelo jwa go supa dilo tsa setso di akaretsa didirisiwa jaaka ditlatlana, digo, diphafana, leselo, kika le motshe ga mmogo le dijo tsa setso ka go farologana ga tsone.

Badiragatsi ka bontsi ba ne ba laleditswe go tlaa go fapaanela serala, ba itsolopantse go iteisana borathana ka mmino wa setso, poko ba tswakantse le mmino wa sesha go supa gore tlhabologo ga se go latlha ngwao. Ga reng ga ba ba neng ba tseisa babogedi manya kwa seraleng go ne go le bo mankge ba mmino wa setso e leng Ditiro Leero, Mmurubele, Bana ba Kwena Traditional Dance Group, rakatara Solly Sebotso, Makgopokgopo Poets, Rre Phandlane le Makrona. Batsadi le bone ba ne ba tshwere ka thata ba ruta bana ditiro tsa setso jaaka go thuga mabele, go fefera, ga mmogo le go ba ruta metshameko ya Setswana jaaka go tlola koi.

📖 Continue Reading
This is a preview of the full article. To read the complete story, click the button below.

Read Full Article on Daily News Botswana

AllZimNews aggregates content from various trusted sources to keep you informed.

[paywall]

Puo ya Setswana e ne e segetswe ka fa lefureng ka letsatsi le, ka go tlhomamisa gore go buiwa yone fela go fitlhelela mokete o fela e le tsela nngwe ya go rotloetsa puo segolo jang mo morolong o mosesane yo o tlotlileng thata puo ya seesimane. Molalediwa wa tlotla e ne e le moithuti wa pele wa sekolo sa Kgari Sechele II, Rre Moroka Moreri yo e leng, moopedi, mmoki e bile e le mokwadi wa dibuka tsa poko ya Setswana, o akgotse barutabana ba sekole go dira tiro e ntle. Ka go rialo Rre Moreri o ne a supa gore maduo a sekole seo a anametsa e bile a tsisa tsholofelo.

[/paywall]

📰 Article Attribution
Originally published by Daily News Botswana • June 07, 2026

Powered by
AllZimNews

All Zim News – Bringing you the latest news and updates.

By Hope