Modulasetilo o leboga komiti mo go lwantsheng

Zimbabwe News Update

🇿🇼 Published: 07 May 2026
📘 Source: Daily News Botswana

Ka dipula tsa monongwaga e ne e le tse di namagadi e bile balemi ba nale tsholofelo ya thobo e e nametsang, go lebega jaanong, sebe sa phiri e tla nna tshenyo e bakiwang ke dipeba. Balemi ba kgaolo ya Nkange ba supa gore go le gantsi ba senyediwa ke diphologolo tsa naga di akaretsa ditlou,ditshwene le tse dingwe, mme monongwaga ba tlhagogetswe ke se sele ka jaana tshenyo e dirwa ke dipeba. Mo potsolotsong le BOPA, molemi wa masimo a Mashale kwa Nkange, Mme Chilangi Mugende, a re mo temong ya gompieno o kopane le go sele, ka a re go tlhagogile dipeba tse dintsi thata tse di jang mabele, mmidi, ditloo, le sengwe le sengwe fela se se lemilweng.

A re tshenyo ya dipeba e kwa godimo thata, ka di roba diako tsa mabele, manoko, ditloo. Mme Mugende o tladitse ka gore dipotata, manoko ditloo di jelwa ka fa tlase ga mmu. Are o ne a patelesega go epa manoko e se ka nako mme ka go dira jalo ga a boelwa ke sepe ka a ne a ise a wele go ka epiwa.

A re ba lephata la temo ba boletse fa ba sena tharabololo ya go lwantsha dipeba ka jalo ba rotloetsa balemi go dirisa methale e dirisiwang go di lwantsha kwa malwapeng. Mme Mugende a re ke la ntlha a bona tshenyo ya dipeba e kanakana. Molemi kwa Hubona, Mme Uchiname Bakula le ene o supile kgakgamalo ka tshenyo e dirwang ke dipeba.

📖 Continue Reading
This is a preview of the full article. To read the complete story, click the button below.

Read Full Article on Daily News Botswana

AllZimNews aggregates content from various trusted sources to keep you informed.

[paywall]

Mme Bakula a re dipeba tseo di mo jetse sonobolomo, manoko le mabele. A re o ne a na le tsholofelo e ntsi thata ya go re monongwaga thobo e tlaa nna ntsi thata mme ga go a ka ga nna jalo, ka jaana dipeba di tsere taolo.BOKHUTLO

[/paywall]

📰 Article Attribution
Originally published by Daily News Botswana • May 07, 2026

Powered by
AllZimNews

All Zim News – Bringing you the latest news and updates.

By Hope