Modulasetilo o leboga komiti mo go lwantsheng

Zimbabwe News Update

🇿🇼 Published: 07 May 2026
📘 Source: Daily News Botswana

Modulasetilo wa Khansele ya Bokone Botlhaba, Rre Mbaakanyi Smart o lebogile komiti ya barui mo maitekong a e a dirang go thusa go lwantsha bolwetse jwa tlhako le molomo mo kgaolong ya 3c. Rre Smart o buile jalo mo bokopanong kwa Mulambakwena bosheng a re ke lantlha bolwetse bo tlhasela kgaolo ya 3c. A re go ntse go tlwaelesegile gore tlhako le molomo e tlhasela kgaolo e magpie ya 6b.

A re barui ba ne ba ema ka dinao ba tshwaragana le lephata la matlhoko a leruo ka go bopa dikomiti kana mephato ka barua kgomo le morafe ka kakaretso go lwantsha bolwetse. Rre Smart a re maiteko a bone a ntsha maduo, ka jaana seemo se bolwetse se laolesega, ka jalo metsamao ya leruo le le tlhako e maphata e rebotswe. A re phitlhelelo eo, ke maduo a se ba se dirilieng go laola motsamao wa leruo le go obamela dikgakololo le ditaelo di tshwana le go kenta leruo la bone.

E re le fa go ntse, Rre Smart o ne a supa matshwenyego a gore barui ga ba dise le go tlhatlhela leruo la bone. Mogokaganyi wa tsa temo thuo mo Kgaolong ya Bokone Botlhaba, Rre Gwilidzani Maposa a re mo kgaolong ya 3c ba letlelelwa go tlhaba dikgomo le dipudi, mme nama e sa e letelelwe go tswa ka kgaolo e ya kwa dikgaolong tse dingwe. Rre Maposa a re leruo le tshwanetse la tlhatlhobelwa tlhako le molomo ke badiredi ba matlhoko a leruo pele le tlhabiwa. O ba kopile go emisa go tlhabela leruo mo malwapeng, a re diruiwa tsotlhe di tlhabelwa kwa matlhabelong a kwadisitsweng ka fa molaong kwa tlhatlhobo ya tlhako le multum le Maltese a mangwe e dirwang teng.

📖 Continue Reading
This is a preview of the full article. To read the complete story, click the button below.

Read Full Article on Daily News Botswana

AllZimNews aggregates content from various trusted sources to keep you informed.

📰 Article Attribution
Originally published by Daily News Botswana • May 07, 2026

Powered by
AllZimNews

All Zim News – Bringing you the latest news and updates.

By Hope