Tlhanolo ya Baebele ya Setswapong

Zimbabwe News Update

🇿🇼 Published: 15 April 2026
📘 Source: Daily News Botswana

Lekgotla Bible Society of Botswana le tsweletse ka maiteko a go ranolela Baebele mo dipuong tse di farologanyeng tsa mo gae. Maikaelelo a se, ke go dira gore lefoko la Modimo le balwe ke batho ba bantsi ka puo e ba e tlhaloganyang. Se se builwe ke mogolwane wa Bible Society of Botswana, Mme Tumelo Tlhong kwa Tobera bosheng fa go ribololwa Baebele ya puo ya Khwedam bosheng.

Mme Tlhong o tlhalositse fa lekgotla leo le simolotse go ranolela Baebele mo puong ya Setswapong mono ngwaga, mme ele tiro e e tlaa tsayang lebaka go wediwa. A re Baebele ya Khwedam e oketsa dithanolo tse di teng le tse di tsweletseng ka go dirwa. O tlhalositse fa lekgotla le kgonne ka thanodi e feletseng ya Baebele ya puo ya Sekalaka ee ribolotsweng ka ngwaga wa 2018.

A re kgolagano e ntsha ya puo ya Shekgalagari e weditswe mme thanolo ya kgolagano e kgologolo ya yone e tsweletse ka go dirwa. O supile gape fa thanodi ya Baebele ya dipuo tsa Shiyeyi, Naro le puo ya diatla e dirisiwang ke batlhoka kutlo e santse e tsweletse. Mme Tlhong a re Lekgotla la Baebela le itlamile go ranolela Baebele mo dipuong tsa mo gae, maikaelelo e le go ipelela dingwao tse di farologanyeng tsa lefatshe leno le go fitlhelela batho ba bantsi. O lebogetse lefatshe la Botswana go bo le tsweletse ka go tlotla diteme tse di farologanyeng jaaka e simolodisitse go kgaso ya dikgang.

📖 Continue Reading
This is a preview of the full article. To read the complete story, click the button below.

Read Full Article on Daily News Botswana

AllZimNews aggregates content from various trusted sources to keep you informed.

📰 Article Attribution
Originally published by Daily News Botswana • April 15, 2026

Powered by
AllZimNews

All Zim News – Bringing you the latest news and updates.

By admin