Banni ba Tobane mo kgaolong ya Bobirwa ba dumalane ka bongwefela jwa pelo le tshwetso ya gore Rre Rupert Motlhasedi e nne Kgosi ya motse wa bone. Tshwetso e, e tserwe ke puso morago ga tumalano e e dirilweng ke morafe le boo-rra Motlhasedi ya gore Rre Rupert Motlhasedi a tlhongwe mo setilong sa bogosi jwa motse wa Tobane. Tumalano e dirilwe morago ga loso la ga rre-rraagwe, ebong Kgosi Victor Motlhasedi ngwaga o o fetileng ka kgwedi ya Phatwe.
Fa a rola tshwetso eo, Tona wa lephata la dikgaolo le merero ya ngwao, Rre Ketlhalefile Motshegwa o akgotse boo-rra Motlhasedi, masika a a amegang mo bogosing jwa motse wa Tobane ga mmogo le morafe go bo ba ithulagantse mme ba tla ka tshwetso e e amogelwang ke botlhe. A re go a itumedisa go bona botlhe ba ba amegang ba nnile le morero o o tlhamaletseng oo neng o sa tlogele ope kwa ntle. Rre Motshegwa a re le fa diphapang di ka nna teng, se se botlhokwa ke go batla tsela e e maleba go di rabolola, a re seo se lere tlotla e bile se tlaa tsweledisa ditiro tsa Bogosi mo motseng.
Kgosi ya tetanyo, Kgosi Boniface Obuseng, o amogetse tshwetso e, a supa fa seo se tlaa fedisa ketsaetsego ee ntseng e apere dikgang tsa Bogosi jwa motse oo. Kgosi Obuseng a re go botlhokwa gore morafe ga mmogo le magosi a mangwe mo motseng ba eme tshwetso e nokeng, ba bereke le Kgosi Motlhasedi ba mmontshe tse di maleba tse di ka godisang motse. Mme Badika Mosweu o supile fa amogela tshwetso e, e bile a re e tlaa kitlanya morafe le go tsisa kutlwano mo motseng.ENDS
Read Full Article on Daily News Botswana
All Zim News – Bringing you the latest news and updates.