Mopalamente wa kgaolo ya Okavango bophirima Rre Kenny Kapinga o abetse sekole se se botlana sa Kathiana Mahunga sa motse wa Shakawe diboto (white boards) tse di lesome e le tsela ya go thusa mo matlhokong a sekolo seo. Fa a amogela dimpho kwa sekolong seo ka Laboraro, mogokgo wa sekolo Mme Oweditse Rammokolodi o lebogetse thuso ya diboto tseo a re di arabile dingwe tsa dilelo tsa bone. O tlhalositse fa sekolo seo se dira bontle fela thata mo dithutong ka se fentse ka matshwao a 85.4% mo maduong a lekwalo la bosupa mo ngwageng o o fetileng, a re seo se dirwa ke go bo barutabana ba ititaya ka thupana go ntsha maduo le fa ba nale dikgwetlho tse di farologaneng.
A re sekole seo se nale tlhaelo ya matlo a borutelo mo baithuti bangwe ba rutelwang ka fa tlase ga ditlhare. A re letlhoko le lengwe ke la didirisiwa jaaka diboto, ditilo le dibuka ga mmogo le tlhaelo ya matlo a barutabana, se se pateletsang gore bangwe ba nne mmogo mo matlong. Mme Rammokolodi o supile fa mo nakong eno sekolo seo se na le baithuti ba le 1 065, palo e e akaretsang setlhopha sa bana ba thuto e e kwa tlase ga lekwalo la ntlha ya pre-school education.
Mopalamente Rre Kapinga o ne a tlhalosa fa a ne a gwetlhega go batlela sekole seo dithuso ka se dira bontle thata mo maduong. A re o ne a kopa dithuso tsa diboto mo mookameding mogolo wa kompone ya lebenkele la Choppies mme a atlega. O tsweletse a re thuto e botlhokwa ka e le yone boswa jwa bana jwa sennelaruri, ka jalo a gwetlha batsadi gore ba se gane fa ba kopiwa dithuso dipe fela ke baeteledipele ba sekolo, a a fa sekai ka dithuso tse di tshwanang tsa madi go tokafatsa thuto.
Read Full Article on Daily News Botswana
[paywall]
Mopalamente Kapinga o ne a re seemo sa mathata a tsa madi a lefatshe le letlhoko la ditiro ke dilo tsa nakwana tse di sa tshwanelang go ka kgoba marapo, a re thuto e bulela bana dikgoro tsa ditiro tse di farologanyeng mo isagong. Fa a leboga, modulasetilo wa khansele ya Okavango Rre Gaopalelwe Ronald o ne a re ba-tsaya-karolo ba botlhokwa mo mererong ya tsa thuto ka puso e ka se kgone e le esi. O ne a leboga Rre Kapinga go bo a tsentse letsogo go thusa sekolo seo. Rre Ronald o ne a re batsadi, baeteledipele le ba makalana a a ikemetseng ba tshwanetse go tshwaraganela thuto.
[/paywall]
All Zim News – Bringing you the latest news and updates.