Mabutswapele a tlhalosa thotse

Zimbabwe News Update

🇿🇼 Published: 30 March 2026
📘 Source: Daily News Botswana

Banni ba Digawana ba kgalemeletswe go batla go kgaoganya motse wa bone ka dikgang tsedi se kakeng tsa isa motse kwa pele. Mo phuthegong ya kgotla ka Mosupologo, Kgosi Kefitlhile Kgwakgwe wa Digawana o kgadile a sa kgwe mathe batho ba a reng ba batla go rotloetsa semorafe mo motseng wa gagwe. O buile se kwa phuthegong e a neng a e biditse, maikaelelo e le go lekodisa banni ka kago ya sepodise e e tsweletseng kwa motseng oo.

Go le pele, banni bangwe ba kgotla ya Lorwana e e kafa tlase ga Digawana ba supile fa ba le sebete se molangwana ka leina la kago eo. Ba supile fa ba sa dumalane le gore diofisi tseo di bidiwe Digawana Police station ka jaana di le mo kgotleng ya bone ya Lorwana. Kgosi Kgwakgwe o ba tlhaloseditse gore dikgotlana tsa Lorwana, Mogojogojo, Gopong ke tsa Digawana mme e bile di thusiwa fela sentle kwa Digawana, ka ditirelo tse di farologaneng.

A re fa ba ka tswelela ba diiwa ke dikgang tsa go lwela leina la kago eo, ba tlaa kgoreletsa ditlhabololo tsa motse wa bone. “Re tshwanetse gore mo nakong ya gompieno re kabo re baakanyetsa pulo semmuso ya kago, mme rona jaanong re batla go diiwa ke dintwa tsa maina,” ga buwa jalo Kgosi Kgwakgwe. O boleletse morafe wa gagwe gore gotswa kwa kago eo e simolotseng go reriwa teng, e ne e ntse e bidiwa gotwe Digawana police, mme a supa fa a gakgamadiwa ke modumo o o tsositsweng ke batho bangwe mo nakong eno.

📖 Continue Reading
This is a preview of the full article. To read the complete story, click the button below.

Read Full Article on Daily News Botswana

AllZimNews aggregates content from various trusted sources to keep you informed.

[paywall]

Mongwe wa batsena phuthego Mme Kelebemang Tokonyane go tswa kwa kgotlaneng ya Gopong o supile fa morafe o batla go dira kgang fa e seong teng. O tlhalositse gore leka nako ya kago eo e simolola, dikgotlana tsotlhe dine di emetswe, mme ga go ise go nne le yoo ngongoregang le ntswa go ne go papamaditswe gore go simolodisiwa kago ya Digawana police. Rre Ntoloki Ntshekisang ene o supile fa Lorwana a ise e re ka nako epe a bidiwe motse, a supa fa go gakgamatsa ka gore banni ba Lorwana ba tsaya ditirelo tsotlhe fela mo kgotleng e tona ya Digawana.

Dibui tse dingwe kwa phuthegong eo di supile fa kago eo, e beilwe kwa kgotlaneng ya Lorwana ka gore gone go sena lefelo la kago mo Digawana. Ba supile fa dikgotlana tse di akaretsang Gopong, Lorwana le Mogojogojo di wela kafa tlase ga kgotla e tona ya Digawana. Bontsi jwa banni ba tlhalositse fa gole botlhokwa gore go amogelwe fa Lorwana ele kgotlana ya Digawana fela jaaka tse dingwe. Ba tladitse ka gore ga se phoso gore motse wa Digawana o bo o golela kwa kgotlaneng eo.BOPA

[/paywall]

📰 Article Attribution
Originally published by Daily News Botswana • March 30, 2026

Powered by
AllZimNews

All Zim News – Bringing you the latest news and updates.

By Hope