Ba ipelela letsatsi la mafatshe la poko

Zimbabwe News Update

🇿🇼 Published: 23 March 2026
📘 Source: Daily News Botswana

Motlobo wa ditso wa Kgari Sechele I Museum o tla fetoga serala sa ditiragalo jaaka badiragatsi ba poko ya Setswana ba tlabo ba iteisana borathana ka Matlhatso. Morulaganyi wa tiro, yo gape e leng moeteledipele wa Maruping Poetry Organisation, Mme Keabonye Bareeng a re ba tlaabo ba ipelela letsatsi la mafatshefatshe la poko ka setlhogo se se reng:Poko Sgarona. A re ba solofetse phadisanyo e mashetla go tsweng mo baboking ba ba setseng ba itiretse maina jaaka Moroka Moreri, Tlharantlhophe le ba bangwe.

Mme Bareeng a re tlaabo ele tlholontsha mokgatlho o ipelela letsatsi la mafatshefatshe la poko, mme a re ba dumela fa ba tlaa tswelela ba dira jalo ngwaga le ngwaga. A re tiragalo ya mofuta o, e thusa go lemoga le go akola talente ya baboki ka go farologana. Le fa ntswa go sena meputso mo phadisanyong e, Mme Bareeng o kopa setshaba go ba rotloetsa, go tiisa baboki moko le gore ba kgone go itshela metsi ganong ka kitso ya bone ya ngwao.

Mme Bareeng a re ga ana pelaelo ya gore barati le barotloetsi ba itloso bodutu e tlang ka bodiragatsi jwa ngwao, ba tla ja mogopo o tletse ka gore phadisanyo e tlaa bo e le kwa godimo. O gakolotse baboki go somarela tlhamo tsa bone, ka jalo a re ba gatise le go kwadisa kwa Copyringt Society of Botswana gore ope yo o dirisang ditiro tsa bone ba kgone go bona meputso. Mme Bareeng a re Maruping Poetry Organisation e tlhamilwe ka ngwaga wa 2016, maikaelelo e le go somarela poko ya Setswana.

📖 Continue Reading
This is a preview of the full article. To read the complete story, click the button below.

Read Full Article on Daily News Botswana

AllZimNews aggregates content from various trusted sources to keep you informed.

[paywall]

A re o dumela gore maiteko a mokgatlho a tswa tema ka o setse o alositse baboki ba jaanong poko ya bone e nowang moro lefatshe ka bophara. A re bangwe ba bone ba setse ba diragaditse mo mafatsheng a tshwana le Zambia, South Africa le United Kingdom. “Maruping Poetry Organisation e simolotse go tshwara dikgaisanyo tsa poko ka ngwaga wa 2017. E rile ka ngwaga wa 2019, ra tshwara Botswana International Poetry Festival e e neng e akaretsa baboki ba ba tswang South Africa, Mozambique le Zimbabwe,” ga tlhalosa Mme Bareeng.BOKHUTLO

[/paywall]

📰 Article Attribution
Originally published by Daily News Botswana • March 23, 2026

Powered by
AllZimNews

All Zim News – Bringing you the latest news and updates.

By Hope