Bangwato ba rotloeditswe go amogela tsosoloso ya mephato. Se se builwe ke mothusa kgosi ya Bangwato, Kgosi Seretse Peter Khama kwa phuthegong ya kgotla kwa Mahalapye ka Labotlhano. Kgosi Seretse o tlhalositse fa Kgosi Khama IV a tla bolotsa mephato e le mene Motsheganong a tlhola letsatsi, mme o gorosiwe a tlhola gararo.
Ka jalo, Kgosi Seretse mephato e tla akaretsa batho ba ba tshotsweng mogare ga dingwaga tsa 1991 le 2010. Mme o rotloeditse botlhe ba ba nang le keletso ya go ya mophatong,go ikwadisa kwa dikgotleng mo dikgaolong tsa gammangwato. Kgosi Khama a re mephato e tla bolotswa e le mene ka gore go tsere sebaka go sa bolotswe mophato ka mabaka a a rileng.
A re ka tshwanelo mephato e siana ka dingwaga di le tlhano a tlhalosa fa maikaelelo e le go tsosolosa ngwao le go bopa setshaba. Mongwe wa baeteledipele ba thulaganyo ya mephato, Rre Martin Seretse o kopile batsadi go rotloetsa bana ba bone go ya mophatong. O kopile batsadi gore ba neela bana mefago le di dirisiwa tse dingwe, mme o gateletse gore ba banang le dingwaga tse di kwa morago, mme le bone ba a letlellwa go ya mophato o o tlaa bololang.
Read Full Article on Daily News Botswana
[paywall]
A re ba laleditse ba sepodise, baruti, bogakolodi le ba tshidilo maikutlo le ba-na-le-seabe ka kakaretso go tla tsaya karolo kwa tirong eo. Monni mongwe wa Mahalapye, Rre Basimolodi Maute a re pele mephato e ne e sa bolotswe fela, ka go ne go nale thulaganyo e e faphegileng. Mme Phillipine Mokubung ene o kopile Kgosi Seretseg gore ba gagamatse kgang ya dinako tsa diphitlho gore di dirwe phakela thata. Mme Mokubung gape o supile matshwenyego ka kapari ya bomme kwa dintsho a kopa gore go rotloediwe banana ka go tlotla loso.BOPA
[/paywall]
All Zim News – Bringing you the latest news and updates.