Khama o amogela thobo

Zimbabwe News Update

🇿🇼 Published: 14 March 2026
📘 Source: Daily News Botswana

Jaaka ene ele ngwao ya Batswana go isa ditswa-temong fa pele ga Kgosi ya bone gore a lome pele, morafe wa Bangwato le one o ne wa gata mo dikgatong tsa batho ba maloba go isa thobo ya bone kwa go Kgosi Khama IV. E rile ka Labone mabutswapele a Ga-Mmangwato a tla a rwele thobo ya bone go isa fa pele ga Kgosi ya bone gore a lome pele, ele jaaka a tla bo a bulela letlhafula le go lebogela morafe wa gagwe go dira dijo tse di tla ba tshegetsang go fitlhelela paka e latelang ya letlhafula. Kgosi Khama o lebogetse morafe go bo ba bone go le maleba go isa ditswa-temong kwa kgosing gore a lome pele.

O rotloeditse morafe go lema dijo kwa masimong gore ba seka ba baa fela mo pusong e gompienong e nang le seemo sa letlhoko la madi. Mo go tse dingwe, Kgosi Khama o boleletse morafe gore o tla tsosolosa mephato, a re ka kgwedi ya Moranang e rogwa, o tla bitsa le go alosa mephato e le mene. A re maikaelelo a gagwe ke go nna a bitsa mephato ngwaga le ngwaga. Kgosi Khama a re go lebega fa ngwao ya Setswana e nyelela, mme go tlhokafala gore Batswana ba eme ka dinao go e tsosolosa gore dikokomane di tle di ithute ngwao ya bone go nale go ithuta dingwao tsa mafatshe a sele.

📖 Continue Reading
This is a preview of the full article. To read the complete story, click the button below.

Read Full Article on Daily News Botswana

AllZimNews aggregates content from various trusted sources to keep you informed.

📰 Article Attribution
Originally published by Daily News Botswana • March 14, 2026

Powered by
AllZimNews

All Zim News – Bringing you the latest news and updates.

By Hope