Moruti o rotloetsa bomme go ineela mo

Zimbabwe News Update

๐Ÿ‡ฟ๐Ÿ‡ผ Published: 10 March 2026
๐Ÿ“˜ Source: Daily News Botswana

Banni ba Mogobewakgomo mo kgaolong ya Goodhope/ Mmathethe ba tlhophile Rre John Sebetlela go nna kgosi. Rre Sebetlela o tlhophilwe ke batho ba le 156, fa yoo mo salang morago, Rre Mokganedi Maseng, a tlhophilwe ke ba le 117, Rre Keorapetse Kedikilwe ene a bone batlhophi ba le 33 fa Rre Tumelo Bosilong a tlhophilwe ke ba le barataro. Motse oo, o nale lebaka o sena kgosi morago ga loso la ga Kgosi Kopano Maseng ka 2022.

Morago ga tlhopho eo ka Matlhatso, Rre Sebetlela yo o supileng fa amogela maduo, o tlhalositse fa a tla tlhoka thotloetso ya botlhe gore a kgone go tsamaisa motse sentle. A re botlhe ba baneng ba emetse dilhopho le banni ka kakaretso ba botlhokwa, mme a re o kopa gore go nne le mow awa poelano gore ba kgone go tlhabolola motse wa bone. Rre Bosilong, yo e leng mongwe wa ba ba latlhegetsweng, o supile fa tomgano e le botlhokwa ka e ka thusa go isa motse kwa pele.

Motsamaisi wa ditlhopho, Kgosi Aobakwe Phetlhu wa Hebron, o supile fa itumeletse tirisanyo mmogo ya morafe wa Mogobewakgomo. A re ditlhopho tseo di tsamaile sentle go sena makgwere ape e bile morafe o ne o itshwere ka setho se se eletsegang. โ€œRe ne re ba letleletse gore ba ipeele ditsamaiso tsa go tlhopha mme ba dumalana gore e nne tlhopho ya sephiriโ€, ga tlhalosa Kgosi Phetlhu. O supile fa bontlhopheng ba ne ba na le balebeledi ba bone go tlhomamisa gore go tlhopha batho ba ba maleba.BOPA

๐Ÿ“– Continue Reading
This is a preview of the full article. To read the complete story, click the button below.

Read Full Article on Daily News Botswana

AllZimNews aggregates content from various trusted sources to keep you informed.

๐Ÿ“ฐ Article Attribution
Originally published by Daily News Botswana โ€ข March 10, 2026

Powered by
AllZimNews

All Zim News – Bringing you the latest news and updates.

By Hope