Mogolwane kwa bankeng ya First National Bank (FNB) Rre Chris Molosiwa a re go rutega ka tsa madi go botlhokwa ka go fa motho sebaka sa go tsaya ditshwetso tse di botoka ka tiriso ya madi. Rre Molosiwa o buile jalo kwa phuthegong ya kgotla ee neng e rulagantswe ke ba banka ya FNB kwa Mahalapye bosheng. Rre Molosiwa a re tiriso ya madi e tlhoka thuto kana kitso ka gore motho fa ana le yone o ka dira thulaganyo ka na lenaneo la tsa madi.
A re botsogo jwa madi aa senang thulaganyo bo baka dikoloto tse di kgonang go fekeetsa motho mme di felele di baka malwetse a a bakwang ke maikutlo a a sa iketlang. Rre Molosiwa a re botsogo jwa madi jo bosa iketlang bo kgona go baka kgokgontsho mo malwapeng. A re bontsi jwa Batswana ba tlhaela kitso ka tsa madi ka jaana basa rutwa ka tiriso ya madi.
Rre Molosiwa o boletse fa go na le dikoloto tse di siameng le tse di sa siamang ka jalo a re go botlhokwa gore motho a rulaganye tiriso ya madi gore a lemoge bokete jwa dikoloto tsa gagwe gore a kgone go dilaola sentle. A re go boloka madi go botlhokwa gotlhe fela go akaretsa go ipeela madi, go beeletsa le go reka diabe. Rre Molosiwa o boletse gape fa gole botlhokwa gore motho a ipaakanyetse go tlogela tiro a re bangwe ba tlogela tiro ba na le dikoloto.
Read Full Article on Daily News Botswana
[paywall]
A re bontsi jwa batho ba dira dikgwebo tsedi sa tsenyeng madi ka ntlha ya go tlhoka go boloka,a gakolola gore meraka le masimo e ka nna kgwebo e motho a ka itshetsang ka yone. A re fa motho a sa dirise tshimo ya gagwe, a ka e firisetsa mongwe gore e mo tsenyetse madi ka na a e adime mongwe mme morago gago rekisa thobo ba kgaogane madi goya kafa ditumalanong. O ne gape a ba rotloetsa go dira lenaneo la tsa boswa jwa bone go itsa dintwa tsa boswa le masika a a tseelang bana boswa jwa bone.
Motlhotlhomisi wa borukuthi jwa madi go tswa FNB Rre Keaobaka Mogopodi a re metlhale ya tsietso e mentsi mo malatsing a gompieno. Ka jalo a re go botlhokwa gore batho ba somarele madi a bone mo dilalomeng. Rre Mogopodi o ba gakolotse gore ‘go itse moreki’ mo go tlwaelesegileng ka ‘Know Your Customer (KYC) ga go dirwe ka mogala kana maranyane.
[/paywall]
All Zim News – Bringing you the latest news and updates.