Mathoothe O Galaletsa Maiteko A

Zimbabwe News Update

🇿🇼 Published: 24 February 2026
📘 Source: Daily News Botswana

Mokgatlho wa Central Trailblazers Scout Group o botlhokwa mo go ageng botho jwa basha. Mopalamente wa Serowe North, Rre Baratiwa Mathoothe o tlhalositse jalo kwa bokopanong jwa mokgatlho oo, wa masupatsela kwa Paje ka Labotlhano. A re mokgatlho o, o dira bokgabane ka go tsenya letsogo mo go tlhabololeng matshelo a basha ka mananeo a a farologaneng.

Rre Mathoothe yo gape e leng Mothusa Tona wa lephata la papadi le tlhabololo kgwebo a re mokgatlho o tsepame mo go bopeng botho jo bo eletsegang mo basheng, a tlatsa ka gore o ba ruta boitshwaro le boikarabelo. “Masupatsela a rutwa mananeo a a ba thusang mo botshelong ka jalo mokgatlho o thusa go baakanya basha go nna batho ba ba nang le seabe mo lefatsheng la Botswana.” Rre Mathoothe o tlhalositse fa mokgatlho wa masupatsela o supiwa jaaka seikokotlelo se se nang le seabe se segolo mo go godiseng basha. A re bogologolo.

masupatsela, a ne a tseelwa kwa godimo, a supa fa nako e tsile gore mekgatlho e a tsosolosiwe mo dikoleng go ka thusa go laola botlhokatsebe jwa banana ba gompieno. Rre Mathoothe o rotloeditse gore masupatsela a inakanye le dikoporase. Mogolwane go tswa kwa Central Trailblazers Group, a tswa mo Serowe Rre Motshegetsi Gorileng o boletse fa maikaelelo a bone ele go tsosolosa bosupatsela mo dikoleng ebile ba ya go simolola kwa go sese botlana sa Paje.

📖 Continue Reading
This is a preview of the full article. To read the complete story, click the button below.

Read Full Article on Daily News Botswana

AllZimNews aggregates content from various trusted sources to keep you informed.

[paywall]

Rre Gorileng a re ba batla go tsisa diphetego mo matshelong a batho. Are mokgatlho wa bone o tlhamilwe ka ngwaga wa 2017 kwa Serowe, a supa fa ba tlhoka lefelo le ba ka rutelang banana mo go lone ka bosupatsela. A re ba ikaeletse go dira dikgwebo tsa go rua dihutshane go tlhamela banana ditiro.BOPA

[/paywall]

📰 Article Attribution
Originally published by Daily News Botswana • February 24, 2026

Powered by
AllZimNews

All Zim News – Bringing you the latest news and updates.

By Hope