Ditswa- Thobong Di Abelwa Batlhoki Le Mekgatlho

Zimbabwe News Update

πŸ‡ΏπŸ‡Ό Published: 23 February 2026
πŸ“˜ Source: Daily News Botswana

Banni ba Kalamare ba rotloeditswe go tswelela pele ba dirisa lenaneo la The Sustainable Livelihood Approach (SLA) go dira dikgwebo tse di ka tlhabololang matshelo le motse ka kakaretso. Se se builwe ke Mothusa Mokwaledi wa Khansele ya Mahalapye, Mme Opelo Mongwa kwa thuto puisanong ee neng tshwere kwa Kalamare ka Labotlhano. Mme Mongwa a re maikaelelo a dipuisano tse ke go nonotsha morafe ga mmogo le itsholelo ya magae.

A re thulaganyo ya SLA e thusa go tokafatsa matshelo a morafe le itsholelo ya metse. Mme Mongwa o boletse fa maikaelelo a bokopano e le go fa maphata le makalana aa amegang go tlhatlhelela morafe ka tse ditlhokwa mo dikgwebong tse ba eletsang go di dira. O tlhalositse fa ba tlhatlhelelwa ke baitsianape gore ba itlhokotse ba gatelepe ka mananeo a bone.

A re lenaneo le, le tlhoka beng gae go dira ditlhophana tsa dikgwebo go bereka le ofisi ya boipelego go thusa go lomagana le maphata kana makalana aa maleba. O boletse fa lenaneo la SLA le tseela kwa godimo bokgoni jwa morafe, a ba rotloetsa gore ba tswelele ba tswa ka maano a dikgwebo. Mogolwane wa ditlhabololo tsa morafe Rre Kgomotsego Basaako o ne a rotloetsa ditlhopha go tswelela ba tshwaragane ba bereka bale seopo sengwe.

πŸ“– Continue Reading
This is a preview of the full article. To read the complete story, click the button below.

Read Full Article on Daily News Botswana

AllZimNews aggregates content from various trusted sources to keep you informed.

[paywall]

Rre Basaako o ba kgothaditse go kwadisa dikgwebo tsa bone ka mefuta ya tsone. A re motse wa bone o na le ditsa tlholego tse ba ka di dirisang go dira dikgwebo. O ba gakolotse gape gore ba dire mananeo a tsa kgwebo ga mmogo le go kwala molao-motheo.

O ile gape a kopa morafe gore ba lebelele melao ya tsa kgwebo kana tse di tlhokiwang mo dikgwebong tsa bone. Kgosi wa Kalamare kgosi Goareng Mosinyi o solofeditse gore batla ema morafe nokeng mo go tse ba di tlhokang go diragatsa lenaneo la SLA. Kgosi Mosinyi o kopile morafe go tshwaraganela lenaneo le gore ba tlhabolole motse ya bone.BOPA

[/paywall]

πŸ“° Article Attribution
Originally published by Daily News Botswana β€’ February 23, 2026

Powered by
AllZimNews

All Zim News – Bringing you the latest news and updates.

By Hope