Tona wa Dipalamo le Dikago, Rre Noah Salakae a re puso e mo dipuisanong tsa go oketsa ditlhwatlhwa tsa dipalamo tsa setshaba. Tona Salakae o ne a bolelela morafe kwa phuthegong ya kgotla kwa Mochudi ka Labotlhano gore puso le badiri ba dipalamo tsa setshaba ba tsentse ditlhogo go bona gore ba ka oketsa madi jang a dituelo tsa mesepele mme ka jalo a tsile go utlwa gore setshaba sone se tsibogela kgang e jang. Tona o nankotse dipalo dingwe tse a reng ke moakanya wa puso mme ba tlaa ya go di baya pele ba dipalamo mme ke gone ba ka dumalanang.
A re e le puso ba lekile gore dituelo di seka tsa tura go pota P26 ka kwa segolo jang mo mesepeleng e e meleele. Rre Salakae a re koketsego e, e tla morago ga gore beng ba dipalamo tsa setshaba ba itele ka gore ga ba bone dipoelo ka gore ditlhwatlhwa tsa leokwane, dithaere jalo jalo di palameletse. A re go le pele, ka Morule ngogola puso e kile ya bepisa tshakgalo e beng ba dipalamo ba neng ba re ba batla koketsego ya madi gone foo e seng jalo ba ngala tsela.
“Ke ne ka ba kopa gore bogolo ba emele kgwedi ya Moranang mme ba ne ba nkutlwa jaanong re santse re tsweletse re le mo dipuisanong le bone,” ga tlhalosa Rre Salakae. Tona a re le fa gontse jalo lephata la gagwe lone le setse le beile ditlhwatlhwa tsa nama-o-sa- tshwere, tse ka tsone ba dumelang gore ba dipalamo ba tlaa dumela ka bongwefela jwa pelo gore e nne tsone tse di maleba go ka kgonwa ke bapalami. A re puso e akantse gore tlhwatlhwa ya taxi e e faphegileng e tlaa tswa kwa go P33 go nna P36 fa taxi e e kopanelwang ke bapagami yone e tlaa tswa kwa go P8 go nna P10 mme dikhombi tsone di tla tswa kwa tlhwatlhweng ya P7 go yeng kwa go P9.
Read Full Article on Daily News Botswana
[paywall]
Rre Salakae o file sekai sa ditlhwatlhwa tsa mesepele e meleele jaaka Gaborone-Francistown e yone a reng dibese tsa teng di tlaa tloga kwa tlhwatlhweng ya P155 go yeng kwa go P168 fa mosepele wa Gaborone-Maun one o tla lopa P331 go tsweng kwa P305. A re koketsego e ama mesepele yotlhe go yeng kwa khutlhong tse nne tsa lefatshe. Tona o ne a re o itumelela gore tidimalo ya morafe e supa fa ba sena mathata le ditlhwatlhwa tse di tlang.
Le fa gontse jalo banni ba ile ba supa fa ba sena mathata le ditlhwatlhwa, mme fela bangwe ba ne ba kgala ba sa kgwe mathe maitsholo a e seng one a bangwe badiri ba dipalamo tsa setshaba. Badiri bao ba ne ba kaiwa ka go tlhoka botho, go kgweetsa ba nkga motsoko, ba sa apare sentle mo bangwe e bileng ba tsamaya ba apera diaparo tse di ntshang magwafa, ba ila metsi, ba bulela diwelese kwa godimo mo ba iteisang bagolo dipelo le go itaya bana ba sekole tsebe. Bangwe bakgweetsi ba dikhombi le di taxi go bolelwa fa ba gana go baya batho kwa go maleba.
Mongwe wa bapalami ba dipalamo tsa setshaba Rre Tau Komane o ne a re o ipotsa gore ke eng taxi e feta khombi ka madi ka gore tsotlhe di dira tiro e e tshwanang. “Bogologolo re ne re itse gore taxi e go baya fa o nnang teng mme gompieno ba go folosa mo tseleng. Nna ga ke bone go tlhokega gore madi a bone a farologane le a dikhomi ka gore ba tsamaya fela jaaka dikhombi,” ga bua Rre Komane.
[/paywall]
All Zim News – Bringing you the latest news and updates.