Ba marekisetso a nama ba gomagometsa go

Zimbabwe News Update

🇿🇼 Published: 19 February 2026
📘 Source: Daily News Botswana

Ba supile fa ba setse ba balelwa ke go duela babereki mme go rekisa nama go eme. Rre Ishmael Mokgethi, yo a nang le madirelo a a nang le marekisetso a nama, a re fa puso e ka seke ya ba thusa mo mading a P97 million a a seegetsweng fa thoko go lwantsha tlhako le molomo, go ya go nna bokete gore ba ka tswelela ba duela babereki. O tlhalositse fa a na le babereki ba le babedi ba ba direlang mo marekisetsong a nama jaanong ka nama e sa tlhole e le teng, o bone gore e re kgwedi e e tlang e simologa a ba seegele fa thoko go fitlhelela seemo se tokafala.

A re mo nakong ya gompieno, o ba duela ka madi a gagwe e seng a kgwebo mme se, se a mo kokonela e bile se ama kgwebo e nngwe ya gagwe. O kopile puso go ba thusa ka se se ka sireletsang dikgwebo le ditiro tsa Batswana. Rre Moseki Mathodi yo le ene a nang le marekisetso a nama, o kopile gore badiredi ba lephata la matlhoko a leruo ba ba tlhalosetse ka botlalo methale e ba e dirileng go thibela go anama ga bolwetsi le gore ba solofela gore batlaabo ba kgonne go bo lwantsha mo nakong e kae.

A re se, se ka ba thusa go rerisana le gore ba ba dirisanang nabo jaaka beng ba madirelo a ba a hirisitseng. Rre Mathodi a re fa e sa le go emisiwa go tlhabiwa ga dikgomo ga a na letseno mme o tshwanetse go duela lefelo le a le hirisitseng. Fa ba matlhoko a leruo ba ka sedimosa gore seemo sa bolwetsi se lebege se ka tokafala mo nakong e kae, go ka re thusa go ithulaganya le ba re hirisitseng mo go bone le go sireletsa ditiro tsa babereki, Rre Mathodi a tlhalosa.

📖 Continue Reading
This is a preview of the full article. To read the complete story, click the button below.

Read Full Article on Daily News Botswana

AllZimNews aggregates content from various trusted sources to keep you informed.

[paywall]

A re le fa go supilwe mo tekodisong bosheng fa dikgaolo tse dingwe go buletswe gore dikgomo di ka tlhabiwa, go ya go nna turu mo go bone go ya go tsaya nama teng. Kgaolo e e gaufi ke Letlhakane mme go ya teng go ya go batla madi a mantsi. Modiri mo lephateng la matlhoko a leruo, Rre Batsho Mabechu, a re go kentiwa ga leruo go ntse go dirwa, ba setse ba emetse go tla go boelela gape morago ga malatsi a le masome a mabedi le boferabobedi. A re ba tsweletse ka go tlhatlhoba kwa dikgaolong tsotlhe tse di amegileng go rurifatsa gore ga gona matlhasedi a masha a ba tshwanetseng go a tsibogela.

[/paywall]

📰 Article Attribution
Originally published by Daily News Botswana • February 19, 2026

Powered by
AllZimNews

All Zim News – Bringing you the latest news and updates.

By admin