Mogolwane wa bakenti kwa Molepolole, Rre Kelebile Mmutsi, o tlhaloseditse barui ba baneng ba ngongoregela phimolo keledi ya P700 e morui a e newang ke puso fa kgomo ya gagwe e bolailwe, go thibela kanamo ya bolwetsi jwa tlhako le molomo gore madi ao, ga se tuelo. O kaile se ka Mosupologo, kwa kgotleng kgolo ya Bakwena kwa Molepolole, fa a ne a tlhalosetsa banni ba Molepolole le metse e e mabapi ka letsholo la go kokonya madi go lwantsha tlhako le molomo. Barui bangwe ba ne ba botsa gore ke eng puso e sa duele morui yo o bolaetsweng kgomo madi a a lekanang le tlhotlhwa ya kgomo.
Rre Mmutsi o tlhalositse gore phimolo keledi e abo e le gore morui a seka a sala a iphotlhere morago ga go latlhegelwa ke leruo. O lemositse setshaba borai jwa go tlhoka go obamela melawana ya go thibela bolwetsi, a tlhalosa gore kgomo e e kentilweng e raya gore kgaolo jaanong e dule mo maemong a yone a go babalesega mo bolwetsing jwa tlhako le molomo (green zone) mme jaanong e le mo gotweng, red zone, ke gore kgaolo e amegileng. Ka jalo dikgomo tse di tswang mo kgaolong ya mofuta oo, ga di sa tlhola di ka rekisa nama kwa BMC.
Rre Mmutsi o ne a araba morui yo o neng a botsa gore mokento wa tlhako le molomo o fodisa bolwetsi kgotsa o a bo thibela mme a re, fa e le gore o a bo thibela, ke eng puso e sa kente dikgomo tsotlhe. A re mokento o kokobetsa mogare gore o seka wa galefa mo o ka anamang ka lebelo le le kwa godimo, a tlatsa ka gore mogare wa tlhako le molomo ga se yo o folang, fa o tsene seruiwa tshwetso ke gore se fofodiwe go itsa go tloga se anamisetsa mogare kwa leruong ka bontsi. Bolwetsi jo, bo tsena leruo le diphologolo tsa sika loo-tlhako e maphata jaaka kgomo, podi, kolobe, nku jalo jalo mme bo lemogiwa mo seruiweng ka go tsurutla mathe mo ganong, dintho mo ganong le mo ditlhakong tsa kgomo le go tlhotsa.
Read Full Article on Daily News Botswana
[paywall]
O kopile setshaba gore ba seka ba fitlha dikgomo tsa bone tse ba belaelang fa di kile tsa amana le tse di nang le mogare kgotsa tsa tsena mo thoteng e e nang le o ne. Rre Mmutsi o gwetlhile barui gore ba bege leruo leo ka bonako gore le fofodiwe e bile leruo lotlhe le go belaelwang le ne le amane le seruiwa seo le lone le a bolaiwa ntleng le go senya nako. A re leruo fa le sena go bolaiwa le a fisiwa le bo le katelwa gore bolwetsi bo seka jwa ama tlhaga kgotsa lefelo leo.
[/paywall]
All Zim News – Bringing you the latest news and updates.