Su Yiming wins men's snowboard slopestyle title

Zimbabwe News Update

🇿🇼 Published: 19 February 2026
📘 Source: Daily News Botswana

Tona wa lephata la dikgaolo le tsa ngwao Rre Ketlhalefile Motshegwa, o kopile banni ba Mogobewakgomo go ela tlhoko dikgang tsa motse wa bone ka di ka ba kgaoganya. O buile mafoko a kwa motseng oo ka Mosupologo, kwa a neng a ile go buisana le banni mabapi le dikgang tsa motse wa bone tsa bogosi. E ne e rile gole pele a amogela baeng, Kgosi Lotlaamoreng II wa Barolong, a supa fa Mogobewakgomo osa robalelwa ke ditlhokwa mabapi le kgang tsa bogosi.

O supile fa e rile ka ngwaga wa 2022, Kgosi Kopano Maseng wa motse oo, a tlhokafala mme fa e sale ka nako eo, go ise go nne le thitibalo. Kgosi Lotlaamoreng II are o ne a kopa morafe gore ba ithulaganya ka leina la moemedi wa bone, kwa pheletsong ba mo fa leina la ga Rre John Sebetlela. A re o hakgamaditswe ke modumo o o neng wa tsoga morago, le ntswa go ne go dumalanwe.

Kgosi Lotlaamoreng II o boleletse Tona gore kgang eo etswa go felela kwa kgotla tshekelo e tla ka taelo ya gore Rre Sebetlela a seegelwe ha thoko mo tirong. Bangwe ba ne ba supa fa tlhopho ya ga Rre Sebetlela e sa tsamaya sentle mme ka jalo ba sa mo lemoge jaaka moeteledipele wa bone. Fa atswa la gagwe, Tona Motshegwa o supile fa a tshwenngwa ke dikgang tsa bogosi tse lephata le iphitlhelang le di rarabolola ka bonsti.

📖 Continue Reading
This is a preview of the full article. To read the complete story, click the button below.

Read Full Article on Daily News Botswana

AllZimNews aggregates content from various trusted sources to keep you informed.

[paywall]

A re seo, sea hakgamatsa ka Bogosi Act e supa tsamaiso ya go tlhoma kgosi, a supa gore fa kgosi e se ya matsalo, go na le ditsamaiso tse di salwang morago tsa go tlhopha. O kopile morafe gore ba tshwanetse go sisela seemo seo, are fa ba sa dire jalo, go na le kgonagalo ya go re morafe o kgaogane. Tona o kopile Kgosikgolo go bitsa phuthego ya botlhe go tla go tlhopha kgosi, mme a re seo, se tshwanetse go direlwa mo kgotleng morafe o le teng.

[/paywall]

📰 Article Attribution
Originally published by Daily News Botswana • February 19, 2026

Powered by
AllZimNews

All Zim News – Bringing you the latest news and updates.

By Hope