Puso e na le maitlamo a e a ipeileng pele go tlhomamisa gore Batswana ba bona ditirelo tsa maemo a a kwa godimo. Mafoko a a builwe ke mokwaledi wa ga Tautona Mme Emmah Peloetletse jaaka a ne a buisa badirela puso ba dikgaolo tsa Selebi Phikwe,Bobonong le mafelo a a mabapi kwa Selebi Phikwe. Mme Peloetlese o kaile fa puso e tshwere ka thata go tswala diphatlha tsotlhe tse di bakang gore go nne le tiego mo go isiweng ga ditlamelo kwa setshabeng.
A re gore se se kgonagale go tlhoka gore bodirelapuso bo tshwaragane le puso gore e fitlhelele maitlamo a yone. Le fa go ntse jalo, Mma Peloetletse o tlhalositse fa puso e itse ka go tlhaela ga ditlamelo le di dirisiwa mo maphateng ka kakaretso mme a kgotlhatsa gore setshaba se tswelele se thusiwa ka bonnye jo bo leng teng. O ne a re go tlhaela ga ditlamelo ga go a tshwanela go nna sekgoreletsi gore batho ba thusiwe mme a kgotlhatsa bodiredi go leka ka thata go thusa setshaba ka fa ba ka kgonang ka teng go na le gore ba boe ba sa bona thuso.
Mme Peloetletse o tlhalositse fa tshenyetso setshaba e e kwa godimo e le yone e e dirileng gore lefatshe le bo le le mo leshekereng la itsholelo mme a tlhalosa fa se se dirwa ke bangwe ba badirelapuso ka go tlhoka go tsamaisa dilo sentle. O ne a tlhalosa gape fa puso e le mo letsholong la go batla bagwebi ba ba nang le madi go tla go bula dikgwebo mo lefatsheng, se e le tsela nngwe ya go tlhama ditiro le go tsosolosa itsholelo ya lefatshe. Mme Peloetletse o tlhalositse fa bagwebi ba ba tlaabong ba neetswe sebaka sa go ka tlhama dikgwebo mono e le ba ba tlaabong ba sekasekilwe pele ba neelwa sebaka go itsa dikgang tsa gore lefatshe le bo le ka iphithela le le mo mathateng. O ne a re ba tshwanetse go nna podi matseba gore ba seka ba iphitlhela ba akareditswe mo mafatsheng a a kaiwang a sa saleng ditsamaiso le tiriso ya madi morago.BOKHUTLO
Read Full Article on Daily News Botswana
All Zim News – Bringing you the latest news and updates.