Bana ba ba dingwaga tse di lesome le bosupa go ya kwa tlase ga ba a tshwanela go sekisiwa kwa kgotleng epe ntle le mmueledi. Se se builwe ke mookamedi wa lakgotla la Legal Aid Botswana, Mme Keona Mphetlhe, kwa phuthegong e e neng e rulagantswe ke lekgotla leo go itsese banni ba Palapye ka ditirelo tsa bone le go supa sekano sa lekgotla se sesha. Mme Mphetlhe a re se se raya gore ngwana ga a tshwanela go sekisiwa kwa kgotleng ya Setswana kana go isiwang kwa kgotleng ya Setswana go ya go kgwathisiwa ka motho o otlhaiwa a bo a sekisitswe a bonwe molato.
A re fa ngwana a na le kgetsi kana kgang ya borukutlhi, ga a sekisiwe a sena mmueledi mme ke gone fa Legal Aid Botswana e tsenang teng. Se, a re ga se reye gore ngwana o ka seka a kgalengwa ke bo malome kana a isiwa kwa kgotleng ya Setswana a ya go kgalemelwa ke batsadi jaaka kgosi. A re mo molaong wa bana, ngwana ga a seke kwa kgotleng ya Setswana.
Tsotlhe tse a re ga di reye gore Legal Aid e rotloetsa bana go dira borukutlhi ebile ga e re bana ba tsamaye ba ye go dira melato kana dilo tse di duleng mo tseleng. Okaile fa molao wa bana wa Children’s Act, o supa gore bana ba tshwanetse ba emelwe ka gore ditlhaloganyo tsa bone di santse di le metsi. Mme Mphetlhe a re ba leka go aga bana, mme fa a na le mmueledi o na le sebaka sa gore a thusiwe ka leitlho la semolao e le leitlho le le kgonang go bona tse bangwe ba sa di boneng.
Read Full Article on Daily News Botswana
[paywall]
O ne a kopa batsadi go aga bana le go ba tsenya leitlho thata kwa malwapeng, a tlhalosa fa molao o supa gore motho yo o dingwaga di lesome le boferabedi (18) e sa tlhole e le ngwana. Mme Mphetle o tsweletse a supa fa mo nakong eno ba sa remelela thata mo go thuseng bana fela, ba thusa le bagolo go ikuela fa ba ngongoregela ka fa ba atlhotsweng ka teng. A re thuso ya go ikuela mo dikatlholong tsa bone ga e a tshwanela go tsewa lolea ka gore fa motho a ikuela mo katlholong ya gagwe a na le mmueledi, mmueledi o kgona go bona mabaka mangwe a a ka dirang gore a atlege fa a ikuetse.
Mogolwane wa Legal Aid Botswana kwa Palapye, Mme Tsosoloso Ntsosa, o ne a supa fa go dirwa ditshekatsheko tse di tseneletseng pele fa go thusiwa bagolo ka ditirelo tsa moemedi. A re ,se se thusa go bona itsholelo ya yo o kopang thuso, gore a o na le kgang le gone gore kana kgang ya gagwe e na le boleng. A re maikaelelo a Legala Aid Botswana ke go fa ditirelo tsa semolao tsa mahala mo go ba itsholelo e e kwa tlase, e bile gape ba sa tsene kwa makgotleng a Setswana ka go dirisiwa molao wa setso, o gantsi o sa kwalwang.BOPA
[/paywall]
All Zim News – Bringing you the latest news and updates.