Komiti e tsibogela bana ba

Zimbabwe News Update

🇿🇼 Published: 11 February 2026
📘 Source: Daily News Botswana

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa kgotleng ya Boseja South, Mme Kegomoditswe Ndulamo a re komiti ya District Child Protection e tsibogetse kgang ya bana bangwe ba ba ntseng ba tlhola mo marekisetsong ka nako ya sekole. O boletse jalo fa a araba matshwenyego a modulasetilo wa khansele, Rre Itumeleng Kelebetseng mo phuthegong ya kgotla bosheng jaaka a ne a bua a sa kgale mathe ka bana ba ba sailang mo marekisetsong le mebila le ntswa ba ka bo ba le kwa dikoleng. E ne e rile go le pele, Rre Kelebetseng a ntsha sekai ka bana bangwe ba bane ka palo, ba a reng ba phakelela fa marekisetsong mangwe mo Boseja mme ba tlhole teng letsatsi lotlhe go fitlhela le phirima.

“Seemo se, se a tshwenya ka se supa fa batsadi ba ikgatholosa kgodiso le thuto ya bana ba bone,” ga tlhalosa Rre Kelebetseng. O gwetlhile batsadi go emela dikgang tsa bana ka dinao ka e le boikarabelo jwa bone go ba fa kgodiso le tlhokomelo e e maleba. A re o lemogile fa banana bangwe ba itlhaganelela go tshola bana mme ba rwese bo nkuku-a-bone morwalo wa go ba tlhokomela.

Mme Ndulamo o supile fa le bone ba ne ba tshwenyega ka bana bao, mme ba ne ba tsaya kgato go begela ba komiti e e sireletsang bana. A re komiti eo, e thusitse, ka jaana bana bao ba boetse kwa sekoleng. Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Kelebetseng o supile gape fa dikole ga mmogo le tse dibotlana di wetswe ke seru sa tiriso ya ditagi le maitsholo a a sa eletsegeng a baithuti.

📖 Continue Reading
This is a preview of the full article. To read the complete story, click the button below.

Read Full Article on Daily News Botswana

AllZimNews aggregates content from various trusted sources to keep you informed.

[paywall]

A re go ngomola pelo ka batsadi ba bona seemo seo mme ba itlhokomolosa go tsaya dikgato ba ipata ka gore bana ba na le ditshwanelo. O gakolotse batsadi gore ditshwanelo tsa bana ga di ba kganele go kgalemela bana ba bone fa ba tswa mo tseleng mme a ba rotloetsa go dira se se tshwanetseng go na le go rwesa barutabana mokgoleo. Rre Kelebetseng, yo gape e leng mokhanselara wa kgaolo ya Boseja South o supile fa bontsi jwa batsadi ba itse bao ba ba rekisang ditagi mo kgaolong mme sebe sa phiri ke gore ba didimetse fela ba sa lome ba sepodise tsebe.

O tsweletse a re tiriso ya ditagi e na le ditlamorago, a supa fa kwa sekoleng sengwe moithuti mongwe a ne a tla ka ditagi kwa sekoleng mme a felela a di ja le ba bangwe, kgabagare ba felela ba thubetsa moithuti wa mosetsana. O kgadile gape kgokgontsho ya bana le bomme a re dipalo di supa e kekela mo kgaolong mme a kopa banni go emela dikgang tseo ka dinao. A re mo malobeng, ba ne ba itse fa ngwana a godisiwa ke setshaba mme dipaka di fetogile ka jaana bangwe fa ba bona ngwana a diriswa botlhaswa ba nna moriti o tsididi fela. Borre ba ne ba gwetlhiwa go emisa kgokgontsho ka jaana dipego di supa fa ba di goga kwa pele mo kgannyeng e.

[/paywall]

📰 Article Attribution
Originally published by Daily News Botswana • February 11, 2026

Powered by
AllZimNews

All Zim News – Bringing you the latest news and updates.

By Hope