Phatlalatso Ya Melemo E Bonya

Zimbabwe News Update

🇿🇼 Published: 09 February 2026
📘 Source: Daily News Botswana

Mokwaledi mogolo wa ga Tautona Mme Emma Peloetletse o kopile badirelapuso go dirisana mmogo le go adimana ditsompelo tse ba nang le tsone di tshwana le dikoloi go isa ditirelo kwa setshabeng. Mme Peloetletse o ne a bua jalo kwa bokopanong jwa gagwe le badirelapuso ba kgaolo ya Palapye le metse e e mabapi ka Labotlhano. A re fa badirelapuso ba ka tshwaragana, ba ka isa ditirelo tsa maemo a ntlha kwa setshabeng e bile ba na le bokgoni jwa go ka dira go feta jaaka ba dira mo nakong eno.

A re ga gona nako e ditsompelo tsa puso di kileng tsa lekana, le mo dingwageng tse di fetileng, mme go tswa bogologolo maduo a ntse a tswa ka ntlha ya tirisanyo mmogo le go ikemisetsa go dirisa bonnyennyane jo bo leng teng ka botswerere go thusa setshaba. Mme Peloetletse o ne a ba kopa go thusa Batswana ka bonokopila le ka botswerere, a supa fa se e tlaabo e le sesupo sa gore ba ikiteile sehuba. Mo go tse dingwe o ne a lebogela badirelapuso go bo e le badiri ba nnete ka ba ne ba tshwara go fetoga ga puso ka bonokopila le ka manontlhotlho.

O ne a akgolela badirelapuso le bogogi jwa bone go tshegetsa maitlamo a go direla setshaba ka botswerere ka dinako tsotlhe, a re maitlamo le maikemisetso ao a ne a itshupa morago ga go fetoga ga puso ka 2024. Mme Peloetletse a re go tshegetsa maitlamo moo go ka dirwa fela ke modirelapuso yo o ikiteileng sehuba gore o tlaa direla puso ya letsatsi. A re tiro e ya go amogela puso e ntsha e ne e ka seka ya kgonagala ntleng le tshwaragano ya badirelapuso botlhe lefatshe leno ka bophara.

📖 Continue Reading
This is a preview of the full article. To read the complete story, click the button below.

Read Full Article on Daily News Botswana

AllZimNews aggregates content from various trusted sources to keep you informed.

[paywall]

Mo go tse dingwe Mme Peloetletse o ne a supa fa kgosi wa motse le mokwaledi wa khansele ba ne ba supa fa ba sa itumelele dilo dingwe ka tse di amang badirelapuso. A re ba supile fa bontsi jwa badirelapuso ba sa tsene ka nako mo ditirong e bile ba sa supe fa seo se le molato. A re fa ba dira jalo, baeteledipele ba bone ga ba ba lemotshe fa seo se sa siama.

Fa a tsibogela tshwaelo ya gore badirelapuso ba tlhoka go akarediwa mo tekodisong ka mogopolo wa tshimolodiso ya kgotla ya molao-motheo, Mme Peloetletse o ne a supa fa tona wa ofisi ya ga Tautona Rre Moeti Mohwasa a tlaa nna le lenaneo la go tla go lekodisa badirelapuso ka kgang eo. A re go lebega Batswana ba ise ba tlhaloganye mo go kalo ka kgotla eo, mme a supa fa go le botlhokwa gore thuto ka kgotla ya molao-motheo e goroge kwa go botlhe.BOPA

[/paywall]

📰 Article Attribution
Originally published by Daily News Botswana • February 09, 2026

Powered by
AllZimNews

All Zim News – Bringing you the latest news and updates.

By Hope