Tona wa tikologo le bojanala Rre Wynter Mmolotsi o supile ka monwana badiri bangwe ba lephata la botsogo a re ga ba akofele go fa setshaba ditirelo. E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa Themashanga bosheng, Rre Mmolotsi o boletse fa ditirelo di tshwana le ya go aba dipilisi le melemo di koafadiwa ke thulaganyo e e motsopodia ya go amogela le go kwadisa dipilisi le melemo. Rre Mmolotsi o boletse gore le fa gone melemo e tlhaela mo dikokelong, sengwe se se bakang seemo seo ke boitseme jwa bodiredi go ka e phatlalatsa le dikokelo lefatshe ka bophara.
O ne a tlhalosa fa mo bosheng a ne a etela dikokelwana tsa Francistown le Masunga mme a fitlhela melemo e e gorogileng mo malatsing a se kae pele ga loeto la gagwe e ise e simolole go fiwa balwetse mme go tlhalosiwa fa e santse e kwadisiwa. Tona o ne a tlhomamisetsa banni fa puso e ikemiseditse go rarabolola seemo se se aparetseng lefatshe leno sa tlhaelo ya melemo. A re nngwe ya dikgato tse di tserweng ke go reka ka tlhamalalo kwa go ba ba dirang melemo, seo e le maiteko a go emisa tshenyo e e neng e diragala fa go rekwa go dirisiwa dikompone kgotsa bangwe ba ba ikemetseng.
βKa tsela e e ntseng jalo, puso e ne ya re mo go sekasekeng ya leka go ithulaganya mme ya ikopanya le bao ba e leng gore ba dira dipilisi le melemo go reka ka tlhamalalo mo go bone go sa dirisiwe ope fa gare go e rekela melemo,β ga rialo Rre Mmolotsi. O ne a re se se tlaa tokafatsa go isa ditlamelo tsa botsogo kwa setshabeng ka thulaganyo e e ya go tsenya seemo sa botsogo mo tseleng. βGo nale thulaganyo e nngwe e e dirwang ke mafatshe jaaka Namibia, Botswana le Zimbabwe, ya gore fa lefatshe le lengwe le santse le emetse melemo e ba e rekileng go goroga, le ka adima melemo mo go le lengwe mme la e busa fa ya lone e goroga,β o ne a tlhalosa jalo, a supa fa se se thusa mafatshe go bipana letlhoko.
Read Full Article on Daily News Botswana
[paywall]
Fa a ama tsa itsholelo, Rre Mmolotsi o ne a supa fa go tlhoka go tsibogela go kabakanya itsholelo ka nako go bakile seemo sa nako eno sa kwelo-tlase ya itsholelo. A re ka nako ya fa itsholelo e ikaegile ka theko ya teemane, lefatshe le ka bo le ne la batla metswedi e mengwe ya madi, a re seo se ka bo se dirile gore itsholelo e itshetlele botoka. E rile a mo kgwa dikgaba, monni Rre Thomas Maripe a batla go itse fa go nale dikgato dipe tse di tseetsweng badiredi ba botsogo ba ba boitseme mo tirong ya go phatlalatsa dipilisi le melemo mo dikokelong.
[/paywall]
All Zim News – Bringing you the latest news and updates.