Ba Nokaneng ba re puso

Zimbabwe News Update

πŸ‡ΏπŸ‡Ό Published: 09 February 2026
πŸ“˜ Source: Daily News Botswana

Bontsi jwa banni ba motse wa Nokaneng ba gakolotse gore puso e dire tshekatsheko ya molao-motheo pele e ka simolodisa kgotla ya molao-motheo. Ba buile seo mo phuthegong e e neng e buisiwa ke Tona wa lephata la Papadi le Dikgwebo Rre Tiroeaone Ntsima ka Labone. Mongwe wa banni, Rre Lathang Molonda o ne a gatelela botlhokwa jwa go simolola ka paakanyo ya molao-motheo, a re sengwe se se tshwanetseng sa akarediwa mo paakanyong eo ke go fokotsa dithata tsa ga tautona.

A re go eteletsa pele paakanyo ya molao-motheo go ka dira gore baatlhodi ba ba tlaa tlhophiwang ba kgotla ya molao-motheo ba kgone go ikemela. O bile gape a re go botlhokwa gore puso e tsibogele mathata a apereng banni ba kgaolo eo jaaka go tlhoka ditiro ga banana le letlhoko la ditirelo tse di faphegileng jaaka tsa botsogo. Monni yo mongwe, Mme Andreas Kandjou o ne a re molao-motheo o na le diphatlha tse di bayang Batswana ka fa mosing, ka jalo puso e simolole ka go baakanya one pele.

Rre Papadi Batati ene o ne a re o amogela mogopolo wa go simolodisiwa ga kgotla ya molao-motheo, a re ba solofela fa e ka thusa ka tekatekanyo ya merafe le tekatekanyo ya go phatlaladiwa ga ditlhabololo mo lefatsheng. Rre Batati o ne a re banni ba motse wa Nokaneng le kgaolo ya Okavango ka bophara ba tshelela mo lehumeng ka go sena ditlhabololo tse di rileng ebile temo-thuo e ba ikaegileng ka yone e sa ba tswele mosola ka ntlha ya tshenyo ya diphologolo tsa naga. E rile a ba ema pele, Tona Ntsima a tlhalosa fa kgotla ya molao-motheo e godisa serodumo sa puso ya batho ka batho ka e sireletsa ditshwanelo.

πŸ“– Continue Reading
This is a preview of the full article. To read the complete story, click the button below.

Read Full Article on Daily News Botswana

AllZimNews aggregates content from various trusted sources to keep you informed.

[paywall]

Rre Ntsima a re tiro ya kgotla eo e tlaa akaretsa go sireletsa le go ranola molao-motheo. A re go simolodisiwa ga kgotla ya molao-motheo pele ga tshekatsheko ya molao-motheo go botlhokwa thata ka kgotla a tlaa kaela tshekatsheko eo e bo e thusa go rarabolola dipharologanyo tse di ka nnang teng fa tshekatsheko e dirwa.BOPA

[/paywall]

πŸ“° Article Attribution
Originally published by Daily News Botswana β€’ February 09, 2026

Powered by
AllZimNews

All Zim News – Bringing you the latest news and updates.

By Hope