Bakgweetsi ba gwetlhiwa go fetola boitsholo

Zimbabwe News Update

🇿🇼 Published: 29 January 2026
📘 Source: Daily News Botswana

Mopalamente wa kgaolo ya Lobatse Rre Kamal Jacobs o akgotse ba khamphani ya Colic Construction Development ba ba tsweletseng sentle ka go aga le ntshafatsa dikago tsa madirelo a matlalo (Tannery) mo Lobatse. A re se, ke bontlha bongwe jwa go tsosolosa toropo ya Lobatse. Mopalamete Jacobs o dirile kakgolo eo ka Labotlhano jaaka a ne a lekola kago sesha ya madirelo ao le gore khampani e e dirang tiro eo e tsweletse jang.

O tsweletse a batla go itse ka pabalesego le botsogo jwa setshaba bogolo jang batho ba ba nnang mo tikologong eo ka gore matlalo a na le monko le gone go oka ditshidinyana jaaka dintsi tse a reng di jesetsa banni mo lesweng e bile di ka ba tsenya malwetsi. Mopalamente Jacobs a re babereki bangwe ba manolola nama e e salelang mo matlalong e e tlwaelesegileng ka leina la dikgogakgogano, morago ga go tlhabiwa ga dikgomo kwa matlhabelong a BMC, mme ba e rekise ka tlhwatlhwa e e kwa tlase. O tlhalositse fa go supagetse fa nama eo e sa siamela botsogo jwa batho, ka jalo a batla go itse gore ba Colic Construction baa go dira jang ka kgang e.

E rile tswa la gagwe, mogolwane kwa khamphani eo, Rre Nerey Mchaile o tlhalositse fa ba ya go tlhakanya nama eo le mafura mme ba dire dijo tsa loruo jaaka dintsa, a tlatsa ka gore ga e a siamela botsogo jwa motho. Mo go tse dingwe, Rre Mchaile o boletse fa kago ya madirelo ao e dirwa ka mokgwa o o faphegileng, ka jalo go sa ye go nna le monko go tswa mo matlalong. A re lefelo le metsi a a sa tswang go tlhatswa matlalo a yang teng le ya go khurumelwa, mme e bile le tlaa bo le ka seka la oka dintsi.

📖 Continue Reading
This is a preview of the full article. To read the complete story, click the button below.

Read Full Article on Daily News Botswana

AllZimNews aggregates content from various trusted sources to keep you informed.

[paywall]

Rre Mchaile a re mo nakong ya gompieno ba na le babereki ba le lekgolo le lesome (110) go tswa mo Lobatse, seo e le maiteko a go tlhama mebereko mo toropong. O tsweletse a bolela gore go na le mabaka a le mmalwa a a dirang gore tiro e bo e saletse kwa morago jaaka seemo sa phetogo ya loapi.BOPA

[/paywall]

📰 Article Attribution
Originally published by Daily News Botswana • January 29, 2026

Powered by
AllZimNews

By Hope