Bakgweetsi ba gwetlhiwa go fetola boitsholo

Zimbabwe News Update

🇿🇼 Published: 29 January 2026
📘 Source: Daily News Botswana

Banni ba Mmadinare ba tlhalositse fa ba se kgatlhanong le koketso ya madi a dipalamo tsa setshaba. Ba buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mothusa tona wa dipalamo le dikago e bile e le mopalamente wa kgaolo ya Boteti Botlhaba Rre Keoagile Atamelang kwa motseng oo ka Mosupologo. Se e ne e le tswelediso ya morero ka mogopolo wa go oketsa ditlhwatlhwa tsa dipalamo tsa setshaba.

Banni ba kopile gore e re go okediwa ditlhwatlhwa go tsibogelwe le go baakanya ditsela tsa mo motseng ka di se mo seemong se se siameng. Mongwe wa banni ba motse, Mme Nnonofo Mokotedi o tlhalositse fa bagwebi ba dipalamo tsa setshaba ba lebile dikeletso tsa bone mme ba sena kgatlhego ya go thusa setshaba. E rile a ba kgwa dikgaba tona Atamelang o ne a tlhalosa fa a utlwile selelo sa banni mme a kaya fa ditsela tsa fa gare ga motse di le mo tlhokomelong ya khansele ya Bobirwa.

Rre Atamelang o ne a tlhalosa fa ditlhwatlhwa tsa dipalamo tsa setshaba di tshwanetse go seka sekwa morago ga ngwaga tse pedi mme go setse go le lobaka go sa okediwe. O tsweletse ka go tlhalosa fa lephata le tsweletse ka go sekaseka le go baakanya molao, o mongwe wa o ne e leng wa tiriso ya diritibatsi. O ne a re molao o lemoga bojalwa e le jone seritibatsi se se sa letelelweng fa motho a kgweetsa le ntswa go na le tse dingwe tse di borai tse di ka dirang gore tlhaloganyo ya motho e bo e sa bereke sentle.

📖 Continue Reading
This is a preview of the full article. To read the complete story, click the button below.

Read Full Article on Daily News Botswana

AllZimNews aggregates content from various trusted sources to keep you informed.

[paywall]

E rile a tsibogela tiego ya go dirwa ga tsela ya Mmadinare-Robelela ya dikhilomethara tse di masome mane, Rre Atamelang o ne a tlhalosa fa e le boammaaruri go nnile le tiego gore kago ya tsela e simolole mme ba santse ba setse kgang ya teng morago. Rre Atamelang o tlhalositse fa puso e latlhegelwa ke madi a mantsi mo go direng ditiro tse bontsi ja tsone di felelang di pala go fela mme ba le mo ditshekatshekong gore ditiro dingwe puso e di itirele. Mo go itebaganyeng le bagwebi ba dipalamo tsa setshaba ba ba sa saleng ditsamaiso morago, Rre Atamelang o ne a tlhalosa fa puso e tlaa ba gagamaletsa setoropo mo bangwe ba bone ba tlaa amogiwang diteseletso tsa bone.

O ne a rotloetsa bagwebi ba dipalamo tsa setshaba go fetola boitsholo jwa bone gore ba kgone go thusa setshaba ka fa go tshwanetseng ka teng, a tlhalosa fa go se maleba gore go bo go ka okediwa ditlhwatlhwa mme ditirelo tse ba di neelang setshaba e se tse di itumedisang. Rre Atamelang o ne a tlhalosa fa dipuisano tsa ba lephata la dipalamo le ba mhama wa dikoloi tsa setshaba di sala di simologile ngwaga o o fetileng ka kgwedi ya Phalane. Go solofetswe gore e re ka kgwedi ya Moranang mono ngwaga ditlhwatlhwa tsa dipalamo tsa setshaba di bo di ka tsholetsega.BOPA

[/paywall]

📰 Article Attribution
Originally published by Daily News Botswana • January 29, 2026

Powered by
AllZimNews

By Hope