Mahalapye Bophirima E Tlaa Dira

Zimbabwe News Update

🇿🇼 Published: 16 January 2026
📘 Source: Daily News Botswana

Kgaolo ya Mahalapye Bophirima e tlaa dira ditsela dile tlhano ka madi a lenaneo la madi a dikgaolo tsa botlhophi a ngwaga tse tharo. Se se builwe ke Mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye Bophirima Rre David Tshere fa a buisa diphuthego tsa kgotla ka Mosupologo kwa kgotleng e tona ya Mahalapye le kgotla ya Tshikinyega. “Ba ba maleba ba setse ba neetswe tiro ya go dira ditsela tseo, tse di kgaogangwang madi a ngwaga wa 2023 go tsena 2025 ka sekgele sa 500m ngwaga le ngwaga,” a tlhalosa jalo.

O boletse fa tsedi sa welang di tlaa dirwa ka ngwaga ono wa madi, a tlhalosa gore e tlare morago go bo go tsibogelwa matlhoko a mangwe a kgaolo eo. Mo go tse dingwe, Mopalamente o ne a lekodisa banni ba kgaolo ya gagwe ka melao kakanyetso ee beilweng Palamente pele, e akaretsa paakanyo ya molao-motheo le molao wa go dirwa ga lekgotla la molao-motheo. O boletse fa gole botlhokwa gore batho ba rutwe ka molao motheo gore ba kgone go tsaya karolo mo dipaakanyong ba na le lesedi.

Rre Tshere a re go baakanya kana go fetola molao motheo gase selo sese motlhofo, go batla morero oo tseneletseng wa ba-na-le-seabe. Banni ba ne ba lela ka tshenyo e e bakiwang ke metsi a pula a a tlang ka bontsi mo motseng.Ka jalo, Mopalamente o ne a ba tlhalosetsa fa maikaelelo a go dira mesele ya metsi le dipone tsa mekgwatha go tswa Madiba go ya kwa marekisetsong a Water Shed a le mo lenaneong la ditlhabololo la NDP12. Fa a itebaganya le kgang tsa borukutlhi, a tlhalosa fa dipetelelo, tiriso botlhwaswa ya bana mogo tsa tlhakanelo dikobo ga mmogo le dipolao di le ko godimo.

📖 Continue Reading
This is a preview of the full article. To read the complete story, click the button below.

Read Full Article on Daily News Botswana

AllZimNews aggregates content from various trusted sources to keep you informed.

[paywall]

Rre Tshere o rotloeditse banni go lema a re ba dirise lenaneo la Lemang Dijo le maikaelelo a lone eleng go rotloetsa balemi. O boletse fa puso e tsere tshwetso ya gore balemi ba ba batlang go lema ba gasa ba ka dira jalo. Mopalamente o ne a lekodisa banni ka seemo sa tlhako le molomo, a tlhalosa fa bolwetse joo bo tshwerwe kwa South Africa.

Rre Tshere o kopile banni go ema ka dinao go sireletsa leruo la bone le gone go ela tlhoko dikai le go tsaya dikgakololo tsa ba temo thuo. Fa a rola pego ya komiti ya ditlhabolo tsa motse, Rre Boniface Disho o ne a supa matshwenyego a le mmalwa, nngwe ele go utswiwa ga megala ya motlakase mo malwapeng mo go dirang gore banni ba nne dikgwedi ba sena motlakase. Rre Disho o ne a kopa mopalamente go thusa ka seemo sa tiriso ya ditagi ee tsereng phekelo e sele, mme barekisi ba tsone ba sa tshwarwe.

[/paywall]

📰 Article Attribution
Originally published by Daily News Botswana • January 16, 2026

Powered by
AllZimNews

By admin