Banni ba Malolwane mo kgaolong ya Kgatleng ba kgothaditswe go tsibogela seemo sepe se se ka anamisang bolwetse jwa tlhako le molomo. Motshwarelela mookamedi wa lephata la matlhoko a leruo, Dr Kobedi Segale o buile jalo mo phuthegong ya kgotla bosheng, a lekodisa banni ka go tlhagoga ga bolwetse jwa tlhako le molomo kwa Aferika Borwa. A re go botlhokwa gore barui le banni ba metse e gaufi le molelwane wa Botswana le Aferika Borwa ba nne seopo sengwe, mme ba dire bojotlhe go thibela bolwetse jwa tlhako le molomo.
Dr Segale a re kgaolo ya Limpopo kwa Aferika Borwa ke nngwe ya tse di amilweng ke bolwetse jo, ka jalo go botlhokwa gore barui ba Kgatleng ba nne podi matseba ka e le gaufi le bone. A re ba tlhomamise gore bolwetse ga bo anamele mo Botswana ka jalo ba tlhatlhele le go disa leruo la bone. Dr Segale a re kgaolo ya Bobirwa, ke nngwe ya tse di tlhorontshiwang ke bolwetse jwa tlhako le molomo, mme a re barui ba kgaolo eo ba dirile mephato ee disang leruo gore le seka la tshela molelwane, ka jaana Zimbabwe a tshwenngwa ke bolwetse jo.
Ka jalo o rotloeditse barui ba Kgatleng go tsaya maele mo go se se dirwang ke ba kgaolo ya Bobirwa, a re go dira jalo go ka thusa thata gore ba kgone go lwantsha borukuthi le sepe se se ka anamisang bolwetse. Dr Segale a re puso e tsweletse ka go aga terata mo molelwaneng wa Botswana le Aferika Borwa, mme sekgoreletsi sa gore e wele go akaretsa le kgaolo ya Kgatleng ke tlhaelo ya madi. A re dikai tsa bolwetse joo, di akaretsa go latlhegelwa ke keletso ya phulo, diso mo ditlhakong le mo molomong wa seruiwa, ka jalo a itsise ba matlhoko a leruo ka gore bolwetse jo bo anama ka bofefo.
Read Full Article on Daily News Botswana
[paywall]
Barui gape ba gakolotswe go isa leruo go tlhatlhobiwa, fa ba ba bona dikai tse belaetsang kana ba kopiwa go dira jalo. Dr Segale a re seruiwa fa se ka kgabaganyetsa kwa Aferika Borwa se a bolawa, fa e le kgomo, morui o atswiwa ka P700, podi yone ke P200.BOKHUTLO
[/paywall]